2 Thessalonians 3

Paulo o kopa go rapelelwa

1Sa bofelo, bakaulengwe ba ba rategang, jaaka ke tla mo pheletsong ya lokwalo lo, ke lo kopa go re rapelela. Rapelelang pele gore molaetsa wa Morena o aname ka bofefo o bo o fenye gongwe le gongwe kwa o anamelang teng, o gape basokologi gongwe le gongwe jaaka o ne wa dira fa o tla kwa go lona. 2Rapelelang gape gore re gololwe mo diphapaanong tsa batho ba ba bosula, gonne ga se mongwe le mongwe yo o ratang Morena. 3Mme Morena o a ikanyega; o tlaa lo nonotsha ebile o tlaa lo dibela mo ditlhaselong tsa mefuta le fa e ka nna efe ya ga Satane. 4Mme re ikanya Morena ka gore lo ntse lo dira dilo tse re di lo rutileng, le gore lo tlaa aga lo di dira. 5A Morena a lo gogele mo go tlhaloganyeng masaitsiweng a lorato lwa Modimo le kaga bopelotelele jo bo tswang kwa go Keresete.

6Jaanong taolo ke e, bakaulengwe ba ba rategang, e ke lo e nayang mo leineng la Morena wa rona Jesu Keresete ka taolo ya gagwe: Ikgogeng mo Mokereseteng mongwe le mongwe yo o senyang nako ya gagwe mo botshwakgeng gape a sa latela mogopolo o re lo o neetseng wa go dira ka bonatla. 7Gonne lo itse sentle gore lo tshwanetse go re etsa: ga lo ise lo ke lo bone re senya nako re sa dire sepe; 8ga re ise re ke re dumele go tsaya dijo mo go ope re sa di reke; re ne ra dira bosigo le motshegare ka natla yotlhe go nna le madi a re neng re a tlhoka go tshela ka one, gore re seka ra nna mokgweleo mo go ope wa lona.

9E ne e se gore re ne re sena tshwanelo ya go lo kopa gore lo re otle, mme re ne re batla go lo supegetsa, lwa ntlha ka fa lo tshwanetseng go fufulela botshelojwa lona ka teng.

10Le re santse re le koo re na le lona re lo neetse taolo e: “Yo o ganang go dira a se ka a ja.”

11Le fa go ntse jalo re utlwa gotwe bangwe ba lona ba tshelela mo botshwakgeng, ba gana go dira, ebile ba senya nako ya bone mo ditshebong. 12Mo leineng la Morena Jesu Keresete re kopa batho ba ba ntseng jalo ra re ba didimale, ba tsene mo tirong, mme ba berekele matshelo a e leng a bone. 13Mme mo go lona ka re bakaulengwe ba ba rategang, lo seka lwa bo lwa lapisega go dira bomolemo.

14Fa mongwe a gana go ikobela se re se buang mo lokwalong lo, bonang gore ke mang mme lo ikgoge mo go ene, gore a tle a itlhabelwe ke ditlhong. 15Se mo tseyeng e le mmaba, mme buisanyang nae jaaka lo ka buisanya le mokaulengwe yo o tlhokang go tlhagisiwa. 16A Morena wa kagiso ka sebele a lo neye kagiso ya gagwe, go sa re sepe gore go diragala eng. Morena a nne le lona lotlhe.

Bokhutlo

17Jaanong tumediso ya me ke e, e ke e kwalang ka seatla sa me, jaaka ke tlwaetse go dira kwa bofelong jwa dikwalo tsa me tsotlhe, go nna bosupi jwa gore lo tswa kwa go nna tota. Se ke mokwalo wa me tota wa seatla. 18A tshegofatso ya Morena wa rona Jesu Keresete e nne le lona lotlhe. Ke nna wa lona ruri, Paulo.
Copyright information for TsnLEF